Monana o itshetsa ka borotho
Monni wa kgotla ya Mpshwe kwa Serowe, Rre Bankemetse Benjamin wa dingwaga tse di masome mararo le borataro o butse kgwebo ya borotho go itshetsa.
Rre Benjamin, yo o dirang mefuta ya borotho ka go farologana, o boletse mo potsolosong bosheng gore o ne a thusiwa ke lenaneo la banana la YDF ka madi go simolola kgwebo ka ngwaga wa 2018.
A re o ne a reka metshine e e dubang le dipitsa tsa borotho, mme a tlhaelelwa ke motshine oo segelelang dilofo.
A re kgwebo e ne ya simolola go itshetlela ka ngwaga wa 2020, le mororo a ne a diiwa ke kgokelo ya motlakase kwa a neng a hirisitse teng.
Rre Benjamin o boletse fa a rekisetsa dimausu, dishopo le batho ka bongwe ka bongwe.
O supile fa theko e ne ya wela tlase ka ntata ya kganelo metsamao, a tlatsa ka gore ka dinako tsa dintsho le manyalo, o kgona go itatswa menwana mo go bonalang.
O boletse fa a na le badiri ba le bararo, a ipalela mo teng, mme a re maikaelelo ke go atolosa madirelo.
O ngongoregile ka gore e re le ntswa borotho bo jewa mo dikoleng, khansele ga e ise e mo sebaka sa go nna le seabe.
Rre Benjamin a re o ikaeletse go dira bontle, mme a thape banana ba bangwe le go busa madi aa adimileng.
O boletse fa a duela lekgetho jaaka mongwe le mongwe, mme a kopa puso gore e lebe thata mo go rekeng mo bagwebing ba ba banana.
A re o kopile CEDA gore e mo thuse go reka motshine oo segelelang borotho, ka gore bontsi jwa bareki ba batla borotho jo bo segeletsweng ruri.
Rre Benjamin o boletse fa a ithutile go apaya borotho kwa a neng a bereka teng kwa Score, Mahalapye ka 2006, mme a tlogela ka 2010, a ya go berekela Choppies ka 2013 go ya kwa go 2016.
O boletse fa gompieno a tshetsa lelwapa la gagwe ka kapei ya borotho.
O rotloeditse banana go lesa go direlwa e se nama, a re ba eme ka dinao ba supe bokgoni ja bone, ka gotwe ‘mokodue go tsoswa oo itekang’.BOKHUTLO
Source : BOPA | Author : Tshiamiso Mosetlha |
Location : SEROWE | Event : Potsolotso |
Date : Feb 21 Sun,2021 |